Masaledi a Ngwana wa kwa Taung ke nngwe ya dithibololo tse di botlhokwa thata ka tlholego ya batho, e bile thibololo eno e dirile gore Aforika e nne lefelo le le lengwe fela le go tlhomiwa mogopolo mo go lone fa go dirwa thutopatlisiso ka tlholego ya rona batho.

Masalaedi a Ngwana wa kwa Taung ke masaledi a logata lwa ngwana yo monnye lo lo neng lwa ribololwa kwa Taung, kwa Aforika Borwa. Mo nakong e e fetileng, thibololo eno e na ya tlhakanelwa le babatlisisi ba boditšhabatšhaba ka di 7 Tlhakole 1925.

Pontsho eno e e dirwang mo mafaratlhatlheng e keteka moletlo wa ngwaga wa bo-100 wa thibololo eno e e leng ya mofuta wa yone fela. E na le metswedi-tshedimosetso le dintlha ka hisitori le botlhokwa jwa masaledi a Ngwana wa kwa Taung e bile e tlhalosa diphelelo tse thibololo eno e nnileng le tsone mo thutong ya bonetetshi le mo baaging.

Boikaelelo jwa yone ke go gakolola botlhe ka tsela e e nonofileng gore tlholego ya batho e simolotse mo Aforika, mme e gatelela botlhokwa jwa go akaretsa Maaforika mo thutong ya bonetetshi, le go tlotlomatsa seabe se kontinente e nnileng le sone mo hisitoring ya rona ka tsa tlholego ya batho.

Smithsonian 3D Digitisation: Australopithecus africanus cranium

Masaledi a bogologolo tala a motho

Masaledi a bogologolo tala a motho

Ngwana wa kwa Taung ke masaledi a ntlha go ribololwa a Australopithecus africanus. A ne a epololwa ka 1924 ke bo ramatikiri ba ba neng ba direla Setlamo sa Kalaka se se kwa Bokone jwa Taung, mo Aforika Borwa.

Raymond Dart, moithuta-tlholego ya batho wa Moaforika Borwa yo o belegetsweng kwa Australia, yo o kwa Yunibesiting ya Witwatersrand kwa Johannesburg, o ne a lemoga gore masaledi ano ke a tshwene-seka-motho ya bogologolo, kgotsa leloko la moloko wa batho. Dart o ne a gatisa tlhaloso ya masaledi a Ngwana wa kwa Taung mme a tlhama lereo le lesha la go bitsa mofuta ono a re ke A. africanus ka di 7 Tlhakole 1925.

Go dumelwa gore masaledi ano a na le dingwaga di le dimilione di le 2.8 mme ke masaledi a logata le lerapo le le fa tlase la ditlhaa la A. Africanus yo mmotlana. Mofuta ono wa setshedi o ne o na le mekgwa ya kgatla le ya motho, e bile se ne se na le boboko jo bonnye jwa kgatla mme se tsamaya jaaka motho.

Masaledi a Ngwana wa kwa Taung e ne e le masaledi a ntlha-ntlha a bogologolo tala a motho a a fitlhetsweng mo Aforika - a pele ga one go neng go bonwe logata lwa kwa Kabwe ka 1921, le fa go lejwa dingwaga tsa lone, le leng lennye thata mme e le la mofuta wa ditshedi tse e leng Batho, Homo.

Tlholego ya batho mo Aforika

Masaledi a Ngwana wa kwa Taung ke thibololo e e botlhokwa thata ka tlholego ya batho, e e dirileng gore Aforika e nne lefelo le le lengwe fela le go tlhomiwang mogopolo mo go lone fa go dirwa thutopatlisiso ka tlholego ya rona batho.

Go tlosa bokolone mo thutong eno

Masaledi a Ngwana wa kwa Taung a rotloeditse dikokomana tsa banetetshi ba Maaforika le ditheo tse di batlisisang ka masaledi ano a Maaforika go thusa ka go tlosa dikgopolo tsa bokolone mo thutong eno.

Go gwetlha dipono tse di eteletsang Boyuropa kwa pele mo thutong ya bonetetshi

Tlhaloso ya ka 1925 ya ga Raymond Dart le go tsenya masaledi a Ngwana wa kwa Taung mo setlhopheng sa batho ba ba tswang ga lowe go simolotse go ganwa ke bontsi jwa banetetshi ba Dinaga tsa Bophirima. Ba ne ba gana jalo ka gonne ba ne ba dumela thata kgopolo ya gore tlholego ya batho ‘e simolotse pele kwa Asia’.

Ka nako eo, Aforika e ne e lejwa go ya ka dikgopolo tsa bokolone gore ke ya ‘bogologolo’ kgotsa gore ‘e saletse kwa morago’. Pono eno e e tletseng tlhaolele ke yone e dirileng gore kwa tshimologong ba gane go amogela Aforika jaaka lefelo le batho ba tlholegileng kwa go lone, go sa kgathalesege bosupi jo bo bontshiwang ke thibololo ya masaledi a Ngwana wa kwa Taung.

Thibololo ya masaledi a Ngwana wa kwa Taung e ne ya thusa go lwantsha dipono tseno tsa go eteletsa dikgopolo tsa Boyuropa kwa pele mo thutong ya boithuta-marope le boithuta- masaledi a setho ka go tlhoma mogopolo go Aforika jaaka lefelo le le botlhokwa la tlholego ya batho, go dira go ne ga dira gore go nne motlhofo go tlhaloganya gore “Tlholego ya Batho” e diregile kwa Aforika.

Thibololo eno e ne ya thusa ka tshimologo ya gore go nne le baithuta-masaledi a setho ba bantsi ba Maaforika, gore seno se rotloetse patlisiso go ya pele e e neng ya felela ka dithibololo tse di seng kana ka sepe, jaaka ya Lucy kwa Ethiopia le masaledi a kwa Olduva Gorge, e dirile gore Aforika e nne lefelo le le lengwe fela le go tlhomiwang mogopolo mo go lone mo thutopatlisisong ka tlholego ya batho.

Botlhokwa jwa thibololo eno bo rotloetsa kokomana e ntšha ya banetetshi ba Maaforika le ditheo tse di batlisisang ka masaledi a Aforika le go a sireletsa, le ka boithutamarope, go thusa go tlosa dikgopolo tsa bokolone mo thutong eno.

Metswedi-tshedimosetso e e amanang le masaledi a ngwana wa kwa Taung

Metswedi-tshedimosetso e e latelang e ka dirisiwa mahala e bile e ka laisololwa mo inthaneteng, ya gatisiwa le go abelwa barutwana:

Webinar: Reflecting on 100 years of South African palaeoanthropology